KETAPELE
Kwa ntle ga katlego ya ikonomi, dipholisi tse di farologaneng tsa puso, mananeo a thulaganyo le dithuso tse dingwe, go sa lekane go go tlhodilweng ke tse di fetileng tsa rona go tswelela pele go ama ikonomi ya temothuo le go nna sekgoreletsi sa kgolo, tlhabololo ya ikonomi, tlhamo ya ditiro le phediso ya lehuma. Go sa lekaneng go gogolo ga mmala le ga bong mo kabong le phitlhelelo ya bohumi, lotseno, kitso le tiro go tswelela pele. Ka jalo, lephata la rona le tswelela pele go dira ka moo go sa kgotsofatseng.
Bukana e ya semmuso ya NAMC e ikaelela go sedimosa baamegi botlhe ba mo lephateng la temothuo ka ga seabe sa NAMC ka mananeo a yona a a farologaneng malebana le go netefatsa fa lephata le dira sentle le go fetolwa. Gore re tle re bebofatse tlhaeletsano, re tlametse dithulaganyo ka dintlha tsa kgolagano tsa mekgatlho e e farologaneng ya temothuo le ditheo tsa puso.
Motlhankedimogolo
Khansele ya Bosetšhaba ya Papatso ya Temothuo
DITENG
Melawana ya Kgwebo ya NAMC
Maikaelelo
Ponelopele
Mesola
Taolelo ya Peomolao
Lenaane la Maloko a Khansele
Tlhaloso ka botlalo ya Mananeo a NAMC
Papatso le Kgwebo
Lenaneo la Tlhabololo la Papatso
Kgakololo malebana le Papatso le Kgwebo
Tlhabololo ya Kgwebo
Tlhagiso ya Kokoanyotshedimosetso ya tlamelo
Thotloetso ya Thomelontle
Letlole la Thuso la Setegeniki la Kgwebo ya temothuo
Dikgato tsa Semolao
Tlhotlhomiso ya Ikonomi
Komiti ya Dipatlisiso ya Karolo ya Bosupa
Letlole la Tlhotlhomiso ya Ikonomi
Lenaane la Dithulaganyo
Thulaganyo ya 1- Dintlha tsa ditheo tse di Botlhokwa mo Temothuong
Thulaganyo ya bo 2- Maina le dinomoro tsa kgolagano tsa maloko a khansele a NAMC
Thulaganyo ya bo 3- Dintlha tsa kgolagano tsa diterasete tsa diphatlho mo temothuong
Tthulaganyo ya bo 4- Dintlha tsa kgolagano tsa ditlamo tsa karolo 21 tsa diphatlho tsa temothuo
Thulaganyo ya bo 5- Dintlha tsa kgolagano tsa diforamo tsa indaseteri ya temothuo
Thulaganyo ya bo 6- Dintlha tsa kgolagano tsa mekgatlho ya tlamelo le ditlhopha
Thulaganyo ya bo 7-Dintlha tsa ditlhogo tsa diporofense tsa mafapha a temothuo
MELAWANA YA KGWEBO YA NAMC
Maikaelelo
Go gakolola Tona ya Temothuo le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo malebana le dintlha tsotlhe tsa papatso tsa temothuo mo indasetering ya temothuo le ya dijo, go lebilwe ditlhokwa tsa baamegi.
Ponelopele
Go nna mogakolodi yo o botlhokwa yo o nonofileng gape a na le bokgoni wa Tona, DoA le Indaseteri mo papatsong ya dikumo tsa temothuo.
Ditheo
Go nna maikarabelo
Go dira ka boikanyego
Go tlotla tiro ya mongwe le mongwe
Go tlotla tlotlo ya sebele le tshwaro e e lekanang
Go dira ka tshwaragano le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo
Taolelo ya Peomolao
NAMC e ne ya tlhomiwa go ya ka dikarolo 3 le 4 tsa Molao wa Papatso ya Dikumo tsa Temothuo MAPA, No. 47 wa 1996 jaaka o tlhabolotswe ke Molao No. 59 wa 1997 le Molao. No. 52 wa 2001. Taolelo jaaka e tlhagelela mo Molaong e buisega jaana:
NAMC e tla, fa e kopiwa ke Tona kgotsa ka tumalano ya yona, batlisisa tlhomo, tswelelo, tlhabololo kgotsa phimolo ya dikgato tsa semolao le dikgato dingwe tsa taolo tse di amang papatso ya dikumo tsa temothuo, ya sekaseka keletso, tlhokego kgotsa nonofo ya dikgato gape, fa go tlhokega, ya tshisinya kgato e nngwe malebana le tlhomo, tswelelo, tlhabololo kgotsa phimolo ya kgato ya semolao kgotsa kgato nngwe ya taolo le go begela Tona gape le go e gakolola".
MALOKO A KHANSELE
Khansele ya NAMC e na le maloko a Nako e e rileng a le 10 . Maloko a ga jaanong a ne a thapiwa ka di 1 tsa Mopitlwe ka 2005 mme paka ya ona e khutla kwa bokhutlong jwa Mopitlwe ka 2007. Maloko a ga jaanong ke:
TLHALOSO KA BOTLALO YA MANANEO A NAMC
NAMC e dira ditiro tsa yona ka mananeo a mane a setegeniki le lenaneo le le lengwe la tshegetso le le kgabaganyang. Mananeo a a sosobanngwa le go tlhagisiwa fa tlase:
Papatso & Kgwebo
Tshobokanyo:
Dikarolo tse di botlhokwa tsa tiro tsa yuniti ke Dikema tsa Papatso / AgriBEE, Kgwebo le Kgaisano. Mananeo a Tlhabololo a Papatso ke kgato e e botlhokwa e e lemogilweng ke NAMC e e ikaelelang go rotloetsa le go bebofatsa tshwaragano ya balemorui ba ba tlhagelelang mo lephateng la kgwebo ya temothuo magareng ga tse dingwe ka go rotloetsa go tsewa ga dikumo go tswa mo balemiruing ba bantsho go tsenngwa mo go tsa merero ya papatso. Nama e khibidu le madirelo a monamune a supilwe jaaka madirelo a a botlhokwa malebana le kgato e mo pakeng e khutshwane. Lephata gape le rwele maikarabelo a go gakolola Khansele mo dintlheng tse di amanang le tuelo le kgwebo le go dira tlhotlhomiso e e maleba mo karolong e. Kwa bokhutlong, lephata la Papatso & Kgwebo le ya go nna le seabe se se botlhokwa mabapi le go gokaganya tlhotlhomiso le dipuisano malebana le kgaisano mo lephateng la temothuo segolobogolo mo karolong ya papatso ya temothuo.
Dikema tsa Papatso
NAMC ga jaanong e rulaganya Mananeo a a farologaneng a Tlhabololo a Papatso a a ikaelelang go tswela temothuo ya kwa magaeng mosola. Maitlhomo-magolo a Mananeo a Tlhabololo a Papatso ke go tlamela mmaraka ka dithotloetso go reka go tswa go batlhagisi ba dikumo ba ba tlhagelelang. Maikaelelo ke go tlhabolola le go tsenya tirisong dikema di le tharo tsa tseo ka ngwaga. Se se bonwa e le tiro e e botlhokwa e e tshegetsang Kgwebo ya Temothuo le Thulaganyo ya Lephata la Tlhabololo la Kgwebo la Lefapha la Temothuo malebana le go tlhoma Dithulaganyo tse nne tsa Tiro tsa Phatlho ka Mopitlwe ka 2006. Mananeo a Tlhabololo a Papatso e ya go tlamela ka serala mabapi le go tsenya balemirui ba bantsho mo Dithulaganyong tsa Tiro tsa Phatlho.
Dikaelo tse di latelang tsa tlhopho malebana le Mananeo a Tlhabololo a Papatso di supilwe:
Mananeo a Tlhabololo a Papatso kwa madirelong a a nang le makgethwana/ matlole a terasete;
Madirelo a setso a a nang le seabe se segolo sa balemirui ba bantsho;
Madirelo a a nang le maikaelelo a tlhabololo
Mmaraka o o tlhabologileng o o ikaeletseng go amogela go tswa kwa balemiruing ba bantsho
Go nna teng ga maitemogelo a mantsi a bodirelo mo go ka ithutiwang go tswa mo go bona
Ntlha e e malebana le tlhabololo
Kgakololo malebana le Papatso & Kgwebo
Pholisi ya Kelotefo e kaya go tsenngwa ga lekgetho ka maikaelelo kgotsa go gogelwa morago ga lekgetho kgotsa go fetola kelo e e leng teng ya lekgetho mo kgwebong ya boditšhabatšhaba mabapi le go latela maikaelelo a tlhabololo a puso. Maikaelelo-magolo a pholisi ya kelotefo magareng ga tse dingwe ke tshireletso ya madirelo a fa gae, tokafatso ya tolamo ya maemo a tuelo le tshiamiso ya dikelotefo mo dilwaneng tse di tswang kwa ntle ga naga tse di gaisanang le dithoto tse di tshwanang le tsa fa gae. NAMC ka Lephata la yona la Papatso & Kgwebo e tla ikaelela go tlhola kamano ya tiro le ITAC le go simolola go nna le seabe se se siameng mo dipuisanong tse di malebana le pholisi ya kelotefo tse di amanang le temothuomabapi le. Tshimologo e tla nna go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa ka fa gare jo bo yang go fitlhelelwa ka go ngoka moikonomi wa kgwebo mo pakeng e ya pegelo.
Tlhabololo ya Kgwebo
Tshobokanyo:
Maikaelelo a lephata ke go rulaganya le go tlhagisa ka ditiragalo ditiro tse di siameng mabapi le tshegetso ya balemirui. Lephata le ya go tlhagisa memmotlolo le go bona gore e a atlega e e yang go tlhola dikgolagano tsa kgwebo tse di yang go tshwaraganya Dikgwebo tse mo Nakong e e fetileng di neng di Kgaphetswe kwa thoko tsa kwa magaeng le lephata la kgwebo la temothuo (le le tlhabologileng). Lephata le ya go kopanya badirisani ba ba maleba ba kgwebo le batlamedi malebana le:
Dikonteraka tsa tshenkelo le dithendara
Ditshwaragano tsa kgwebo le tsa papatso
Katiso
Dipeeletso tsa Tekatekano
Dikgwebo tse di kopanetsweng
Dingwe tsa dimmotlolo tse di botlhokwa tse lephata le yang go di tlhagisa, go di tsenyatirisong le go kwa ditiragalo ka ga tsona ke tse di latelang:
Dikgolagano tsa Kgwebo jaaka mmotlolo wa maatlafatso
Dikgwebo/kgwebo ya temothuo jaaka dintlha tse di botlhokwa tsa tlhotlheletso
Tshenkelo e e botlhokwa ya AgriBEE ka diphatlho tse ga jaanong tse bonang makgethwana
Seabe se se oketsegileng sa Dikgwebo tse mo Nakong e e fetileng di neng di Kgaphetswe kwa thoko mo tirong yotlhe ya Mebaraka ya Dikumo tse di Itekanetseng
Dikaelo tsa Bomaleba
Dikgwebo tse mo Nakong e e fetileng di neng di Kgaphetswe kwa thoko
Poelo ya Ngwaga le ngwaga ya Makisimamo ya bokana R100 jwa dimilione
Thapo ya Makisimamo ya badiri ba le 100
Kgwebo e tshwanetse e be e tlhagisetsa mebaraka
Kgwebo e tshwanetse go amogela le go kgona go tsena mo ntlheng ya kabelano ya ditshenyegelo mabapi le tirelo e e tlhokegang ka peresente e e yang go tlhomamisiwa ke NAMC.
Letlole la Thuso la Setegeniki la Kgwebo ya temothuo (ATAF)
NAMC e ikaelela go tlhagisa letlole le le ikaelelang go thusa dikgwebo tse di mo kokoanyongtshedimosetso ya tlamelo go tokafatsa go fitlhelela ga tsona mebaraka ka go rialo di tle di godise le go maatlafatsa dikgwebo tsa tsona. Thuso e e ya go lebelela dintlha tse di jaaka katiso, tlhagiso ya thulaganyo ya kgwebo, mananeo a a malebana le bomaleba jo bo nang le boleng, kgakololo jj. Thuso e e ya go neelwa ka batlamedi ba ditirelo ba ba maleba. Pholisi ka botlalo ka ga tiriso le tsamaiso ya letlole e ya go tlhagisiwa.
Maitlhomo a tiro e ke:
Okeletsa kgwebo ya bantsho ya temothuo phitlhelelo ya mebaraka e e nang le dipoelo gape e ikanyega.
Oketsa kitso ya balemirui ba ba yang go thusega mo dikgatong tsa kgolaganyo tsa mebaraka
Katisa balemirui ba ba yang go senngwa mo kokoanyongtshedimosetso
ATAF ga e kgone go neelana ka ditšhelete (sekoloto kgotsa tekatekano) kgotsa go reka dithoto tsa mofuta mongwe le mongwe. Se se akaretsa dijanaga, dikago, didirisiwa kgotsa setheo. ATAF gape e ka se kgone go dirisiwa jaaka letlole la kadimo ya madi kgotsa letlole la peeletso ka mokgwa mongwe. Letlole la DoA AgriBEE le le yang go tlhomiwa fa gautshwane le ya go lebisiwa go thusa diteransekešene tse di maleba tse di tlhagisitsweng ka tiriso ya ATAF ka ditšhelete.
Kgato ya 1
Kgato ya bo 2
Thomelo ya kopo e e tlwaelegileng ke HDE
Kgato ya bo 3
Foromo ya Kamogelo
Kgato ya bo 4
Amogela/se amogele
Kgato ya bo 5
Foromo ya Konteraka
Kgato ya bo 6
Tlhagiso ya Kokoanyotshedimosetso ya Tlamelo
Tlhagisa kokoanyotshedimosetso ya tlamelo ya dikgwebo tse mo nakong e e fetileng di neng di kgaphetswe kwa thoko mo Aforika Borwa.
Kokoanyotshedimosetso e ya go nna le tshedimosetso e e latelang:
Tshedimosetso e e malebana le Merero ya tsa Balemirui
Mmotlolo wa Taolo ya Kgwebo
Tshedimosetso ya Tlhagiso
Tshedimosetso ya badiri
Mafaratlhatlha
Tlhabololo ya Metseselegae
Maitlhomo a tiro e ke:
Go golaganya ba ba leng mo kokoanyongtshedimosetso le mebaraka e e ikanyegang.
Go netefatsa fa DoA e tlamela ka tshegetso e e ikaeletsweng go balemirui ba ba leng mo kokoanyongtshedimosetso
Thotloetso ya Thomelontle.
Sebontshi se se botlhokwa sa Lephata la Tlhabololo ya Kgwebo (lephata la ED ) ke go rulaganya loeto lwa katlego lwa go iponagatsa kwa pontshong ya kgwebo malebana le dikgwebo tse di leng mo kokoanongtshedimosetso ya tlamelo. Loelo lo ya go dirisediwa go thusa dikgwebo tse mo nakong e e fetileng di neng di kgaphetswe kwa thoko tse di leng mo kokoanongtshedimosetso ya tlamelo e bile di bontshitse di kgona go gaisana mo mebarakeng ya Aforika Birwa go bona mebaraka e e nang le dipoelo ya thomelontle.
Dikgolaganyo tsa Kgwebo
Lephata la ED ka dikgokaganyo tsa lona le ya go bebofatsa dikolaganyo magareng ga bareki le batlamedi. Maikaelelo a lenaneo le ke go oketsa phitlhelelo ya mebaraka ya dikgwebo tse di mo kokoanongtshedimosetso ka go supa le go bona tshegetso ya bareki ba bagolo ba kumo ya temothuo mo Aforika Borwa.
Ka kakaretso mekgwa e e latelang e mebedi e ya go dirisiwa:
Dikgolaganyo tsa tlamelo di simolola ka se kgwebo ya temothuo e se tlhagisang kgotsa se e kgonang go se tlhagisa. Mmaraka o tshwanetse go bonwa malebana le kumo ya yona. Lephata la ED le ya go dirisa ATAF ya lona fa go tlhokegang go bebofatsa dikgolaganyo mo ntlheng yotlhe ya tlamelo.
Dikgolaganyo tsa topo di simolola ka se mmaraka o se batlang. Dikgwebo tse dikgolo tsa temothuo di batla batlhagisi ba bannye go ba tlamela ka diphatlho go diragatsa bontsi jo bo kopiwang mo thulaganyong ya tsona kgotsa mo dikonterakeng tsa tsona tsa tlamelo le basekaseki le barekisi ba dithoko ka bontsi. Lephata la ED le ya go dirisa ATAF go tshegetsa dikgwebo tsa temothuo tse di kgonang go dirisa tšhono ya dikgolaganyo tse di tlhagisitsweng.
Dikgato tsa Semolao
Tshobokanyo:
Lephata le le samagana le dintlha tsotlhe tse di amanang le dikgato tsa semolao. Molao wa Papatso ya Dikumo tsa Temothuo wa 1996, o tlhagisa dikgato tsa semolao di le tlhano, e leng makgethwana a semolao, direkhoto le dipoelo, kwadiso, taolo ya diyantle tsa dikumo tsa temothuo le tsa merero ya ditirelo. Ga jaanong go na le madirelo a le lesome a a dirisang makgethwana a semolao, fa madirelo a le 14 a dirisa direkhoto & dipoelo le kwadiso.
Ditiro tse di botlhokwa tsa Lephata le ke:
Go batlisisa dikopo tse dintšhwa mabapi le tlhagiso ya dikgato tsa semolao le go dira dikatlanegiso go Tona malebana le dikgato tsa semolao tse di tshisintsweng.
Therisano le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo go tlhomamisa maemo a tshegetso mabapi le dikgato tsa semolao tse di tshisintsweng.
Go tlhokomela gore madirelo a a maleba a obamela maemo a kamogelo mabapi le dikgato tsa semolao.
Go tlhagisa dipholisi tse di amanang le dikgato tsa semolao.
Kwadiso le NAMC jaaka Setlhopha se se Amiwang ka Tlhamalalo.
Go ya ka karolo 20 ya MAPA, NAMC e kopiwa go somarela rejisetara ya ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo ke Molao kgotsa tse go nang le kgonagalo ya go ka amiwa ka tlhamalalo ke Molao le go e tlhabolola ngwaga le ngwaga. Tsona e ka nna ditlhopha tsa batlhagisi ba dikumo, barulaganyi, badiri, babapatsi le badirisi ba kumo e e rileng. Kwadiso e botlhokwa malebana le mabaka a a latelang:
Ditlhopha tse di kwadisitsweng di a bonwa mabapi le ditshwaelo fa thuso ya puso mo mmarakeng e sekasekiwa; le
Tlhaeletsano e e nonofileng magareng ga NAMC le ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo.
Tlhotlhomiso ya Ikonomi
Tshobokanyo:
NAMC e ikaelela go tlhola le go tsweleletsa mokgatlho wa ntlha wa tlhotlhomiso ya papatso ya temothuo. Gape, NAMC e ya go aba matlole malebana le katiso ya dialogane tsa temothuo mo Diyunibesithing tsa Aforika Borwa. Ka tlhotlhomiso le dikarolo tsa tebelelo tsa phitlhelelo tse di tlhagisitsweng mo karolong e, NAMC e ya go lebelela magareng ga tse dingwe dithitokgang tse di latelang tsa tlhotlhomiso:
Tshedimosetso ya temothuo le ditlhwatlhwa tsa dijo
Phitlhelelo ya mmaraka wa temothuo
Bodirelo jwa temothuo
Kgaisano
Dithebolo
Ditheo tsa semolao
Boitshediso jwa kwa metseselegaeng
Komiti ya Dipatlisiso ya Karolo ya Bosupa
NAMC e ya go dirisa kaelo mo karolong ya bo7 ya Molao wa Papatso go dira komiti ya dipatlisiso ya karolo ya bo7. Nngwe ya dithuso tsa Komiti ya bo 7 ke gore mo Komiting ya mothale oo, baemedi ba ditlhopha tse di amiwang ka tlhamalalo mo ntlheng ya boleng ba ka kgona go sekaseka dintlha tse di maleba mme morago ba rulaganye pegelo ya kgakololo e e nang le dikatlanegiso mme ba e romele kwa Khanseleng. Morago ga go sekaseka pegelo, Khansele e tla romela pegelo go Tona.
NAMC e ya go sekaseka le go tlhokomela tsenyotirisong ya dikatlanegiso tsotlhe tsa dipegelo tse di fetileng tsa komiti ya Karolo ya bo7. Tokomane ya dikatlanegiso tse di fetileng e setse e rulagantswe.
Letlole la Tlhotlhomiso ya Ikonomi
NAMC e ya tlhola Letlole la Tlhotlhomiso la bokana ka R3,4 jwa dimilione le le tlhagelelang mo matloleng a ngwaga wa ditšhelete wa 2005/06, tekanyetsokabo ya 2006/07 le mo tshegetsong ya matlole go tswa kwa mekgatlhong ya boditšhabatšhaba ya tlhotlhomiso. Letlole le ya go sirelediwa go tila go dirisediwa ditiro tsa tsamaiso. Ka letlole le, NAMC e ya go kopa diyunibesithi tsotlhe le Ditheo dingwe tsa Tlhotlhomiso tse di amegang mo tlhotlhomisong ya tlhabololo le papatso go romela ditshisinyo tsa go dira tiro ya tlhotlhomiso.
Dipholo tsa tlhotlhomiso di ya go dirisediwa go:
Rotloetsa kganetsano mo lephateng
Gakolola Tona ,DoA le Bodirelo
Go tlhola mowa wa tirisano magareng ga batlhotlhomisi mo Aforika Borwa
Jaaka leano la go kokoanya matlole a mangwe, NAMC e ya go dirisa bokana ka R3,5 jwa dimilione go kokoanya matlole a mangwe go tswa kwa Ditheong di tshwana le Diterasete tsa Madirelo, Diforamo, Setheo sa Baabi.
DIBASARI: Karolo ya Letlole la Tlhotlhomiso ya Ikonomi e ya go dirisediwa go tlhabolola bokgoni jwa dialogane tsa temothuo ka katiso kwa Diyunibesithing tse di farologaneng tsa Aforika Borwa. Letlole la tla neelana ka dibasari go baithuti ba ba ithutelang M.SC le PhD ka ga Diikonomi tsa Temothuo. Dialogane di ya go solofelwa go dira dithesese tsa bona ka ditlhogo tseo tse di yang go lebelela dintlha tse di supilweng mo dithitokgang tsa tlhotlhomiso. Maitlhomo e tla nna go tlhola bontsi jwa barutegi ba ba maleba ba ba tla dirang mo NAMC le mo badirisaning ba yona mo mererong e e farologaneng.
THULAGANYO YA 1: DINTLHA TSA DITHEO TSE DI BOTLHOKWA MO TEMOTHUONG
Tona ya Temothuo le Merero ya Mafatshe
Mogala: 319 6075
Fekese: 321 8558
Poresidente
Khansele ya Temothuo ya Tlhotlhomiso
Mogala: 427 9700
Fekese: 342 3948
Mokaedikakaretso
Lefapha la Temothuo
Mogala: 319 6000/7219
Fekese: 319 6452
Motlhankedimogolo
Banka ya Lefatshe
Mogala: 312 3600
Fekese: 328 4056
Mokaedikakaretso
Lefapha la Merero ya Mafatshe
Mogala: 312 8191
Fekese: 323 6072
Molaodikakaretso
Ditirelo tsa Tshedimosetso ya Ditlhaka tsa Aforika Borwa
Mogala: 325 2133
Fekese: 321 7864
Monnasetulo
Khansele ya Bosetšhaba ya Papatso ya Temothuo
Mogala: 341 1115
Fekese: 341 1811/9
Mogala: 322 6980
Fekese: 320 0557
Motlhankedimogolo
Dikumo tsa Baeoloji tsa kwa Onderstepoort
Mogala: 522 1511
Fekese: 522 1591
Poresidente
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Balemirui ba Aforika (NAFU)
Mogala: 672 9308
Fekese: 665 0601
Mokaedimogolo
Phaposi ya Kgwebo ya Temothuo
Mogala: 322 7181
Fekese: 320 0787
Motlhankedi
Mogala: 930 1134
Fekese: 936 7217
THULAGANYO YA BO 2: MAINA LE DINTLHA TSA KGOLAGANO TSA MALOKO A NAMC
LELOKO
DIKAROLO TSA MAIKARABELO
MOGALA & FEKESE
Nama e Khibidu, Tlhotlhomiso, Merero ya Badirisi, Tlhwatlhwa ya Dijo, Pholisi ya Kelotefo le ya Kgwebo, Malomo, Lesereng, Teri, Ditlhatshana tse di natefisang dijo le Dipaese
Mogala: 808 4759
Fekese: 808 4670
Maungo a ditlhare tse di tlhotlhoregang, Diphologolo, Matshiri, Wulu, Dikumo tse di Itekanetseng, Maungo a a Bobatsatsana
Mogala: 314 1115
Fekese: 341 1911
Maungo a a Bobatsatsana, Maswabi, Go khena, Korong, Waene
Mogala: 354 8959
Fekese: 354 8965
Maswabi, Go khena, Motsoko, Tee le Kofi, Malomo, Monamune
Mogala: 840 1735/3
Fekese: 840 2373
Dikumo tse di Itekanetseng, Lesereng, Teri, Sukiri, Maungo a a Bobatsatsana
Mogala: 298 1130
Fekese: 298 2653
Tlhotlhomiso, Tlhwatlhwa ya Dijo, Pholisi ya Kelotefo le ya Kgwebo, Katuni,
Mogala: 420 3248
Fekese: 420 3247
Sele: 082 372 3131
Motsoko, Tee le Kofia, Mowa wa akwariamo, Monamune, Waene
Mogala: 808 5422
Fekese: 808 5412
Korong, Mmidi, Peo ya oli, Merero ya Badirisi, Katuni, Mabele,
Mogala/Fekese: 460 3002
Matshiri, Wulu, Dikumo tse di Itekanetseng, Dinong, dikoko jj, Sukiri
Mogala: 602 2074
Fekese: 602 2241
Nama e Khibidu, Diphologolo, Mmidi, Peo ya oli, Mabele, Dinong, dikoko jj,
Mogala: 312 1724
Fekese: 315 3859
THULAGANYO YA BO 3: DINTLHA TSA KGOLAGANO TSA DITERASETE TSA DIPHATLHO MO TEMOTHUONG
LEINA
DIPHATLHO
DINTLHA TSA KGOLAGANO
MOGALA
FEKESE
Terasete ya Indaseteri ya Monamune
Monamune
Terasete ya Batlhagisi ba Maungo a ditlhare tse di tlhotlhoregang
Maungo a a tlhotlhoregang
Terasete ya Nawa e e omileng
Nawa e e omileng
Terasete ya Tlhotlhomiso ya Lesereng le Tlhabololo
Peo ya Lesereng
Terasete ya Mmidi
Mmidi
Terasete ya Indaseteri ya Nama
Nama
Terasete ya Matshiri
Matshiri
Terasete ya Tlhabololo ya Peo ya oli le ya Poroteini
Peo ya oli
Terasete ya Tlhabololo ya Indaseteri ya Ditapole
Ditapole
Terasete ya Mabele
Mabele
Terasete ya Dithoro tsa Mariga
Dithoro tsa Mariga
Terasete ya Indaseteri ya Waene
Waene
Terasete ya Wulu
Wulu
THULAGANYO YA BO 4: DINTLHA TSA KGOLAGANO TSA DITLAMO TSA KAROLO 21 TSA DIPHATLHO TSA TEMOTHUO
LEINA
DIPHATLHO
DINTLHA TSA KGOLAGANO
MOGALA
FEKESE
Mokgatlho wa Mowa wa akwariamo wa Aforika Borwa (AASA)
Indaseteri ya Mowa wa akwariamo
Mokgatlho wa Wulu wa Kapa wa Aforika Borwa
Wulu
Mokgatlho wa Katuni wa Aforika Borwa
Katuni
Mokgatlho wa Matshiri wa Aforika Borwa
Matshiri
Mokgatlho wa Mašwi wa Aforika Borwa
Mašwi le Teri
Mmidi, Mabele, Thoro ya Mariga, Peo ya oli
Laboratori ya Tlhaka ya Aforika Borwa
Korong, Outsu, Mmidi, Mabele le ditlhaka tse dingwe
Nama e Khibidu
THULAGANYO YA BO 5: DINTLHA TSA KGOLAGANO TSA DIFORAMO TSA INDASETERI YA TEMOTHUO
LEINA
DIPHATLHO
DINTLHA TSA KGOLAGANO
MOGALA
FEKESE
Foramo ya Baromedintle ba Dikumo tse di Itekanetseng
Monamune le Maungo a ditlhare tse di tlhotlhoregang
Foramo ya Nama
Nama
Diforamo tsa tokomane ya Aforika Borwa
Nawa ya Aforika Borwa Sonobolomo ya Aforika Borwa
Tokomane
Nawa
Sonobolomo
Foramo ya Mabele
Mabele
Foramo ya Korong
Korong
Foramo ya Wulu
Wulu
Mokgatlho wa Katuni wa Aforika Borwa
Katuni
Foramo ya Indaseteri ya Peo ya Lesereng
Peo ya Lesereng
Tshedimosetso le Thulagano ya Indaseteri ya Waene ya Aforika Borwa
Waene
Mokgatlho wa Mašwi wa Aforika Borwa
Mašwi
Foramo ya Dikumo tse di Itekanetseng
Maungo le merogo
Foramo ya Indaseteri ya Ditapole
Ditapole
THULAGANO YA BO 6: DINTLHA TSA KGOLAGANO TSA MEKGATLHO YA TLAMELO LE DITLHOPHA
MOKGATLHO
MOTHO YO GO GOLAGANGWANG LE ENA
ATERESE
MOGALA
FEKESE
Mokgatlho wa Phaphosi ya Kgwebo ya dintlokwe ya Aforika Borwa
Mokgatlho wa Dinong, dikoko jj wa Aforika Borwa (SAPA)
Mokgatlho wa Batlhagisi ba nama ya Kolobe wa Aforika Borwa (SAPPO)
Mokgatlho wa Batlhagisi ba Maungo a a ka mo Dithining
Mokgatlho wa Bajadi ba Monamune wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa Bajadi ba Dipanana
Mokgatlho wa Tlhaka wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa Bajadi ba Menku wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa Bajadi ba Avokhado wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa wa Bajadi ba Maungo a a Bobatsatsana
Mokgatlho wa Bajadi ba Malomo wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa Bajadi ba Kheini wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa Batlhagisi ba Mašwi
Mokgatlho wa Batlhagisi ba Tee ya kwa nageng ya mamepe wa Aforika Borwa
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Batlhagisi ba Nama ya Tshoganyetso e Khibidu
Mokgatlho wa Batlhagisi ba Nama e Khibidu
Mokgatlho wa Bosetšhaba wa Bajadi ba Wulu
Khansele ya Ditlhaka ya Aforika Borwa
Mokgatlho wa Batlhagisi ba Matshiri wa Aforika Borwa
THULAGANYO YA BO 7: DINTLHA TSA DITLHOGO TSA DIPOROFENSE TSA MAFAPHA A TEMOTHUO
Porofense ya Kapa Bokone
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 861 1245
Fekese: 861 1001
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 355 9112
Fekese: 355 9113
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 838 9117
Fekese: 8314685
Porofense ya Kapa Botlhaba
Porofense ya Mpumalanga
Tlhogo ya Lefapha
Bisho
Mogala: 609 3475
Fekese: 635 0604
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 295 7300
Fekese: 295 7028
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 766 6020
Fekese: 766 8429
Porofense ya Bokone Bophirima
Porofense ya Kapa Bophirima
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 355 1920
Fekese: 333 0667
Tlhogo ya Lefapha
Mmabatho
Mogala: 389 5146
Fekese: 389 5722
Tlhogo ya Lefapha
Mogala: 808 5006
Fekese: 808 5000
THULAGANYO YA BO 8: DINTLHA TSA BAKHUDUTHAMAGA BA TEMOTHUO
Porofense ya Kapa Bokone
Bloemfontein
Mogala: 506 1610
Fekese: 448 1048
Mogala: 355 9100
Fekese: 355 9543
Mogala: 838 9107
Fekese: 838 9145
Porofense ya Kapa Botlhaba
Porofense ya Mpumalanga
Bisho
Mogala: 636 4331
Fekese: 639 2135
Mogala: 295 7023
Fekese: 295 7046
Mogala: 766 6074
Fekese: 766 8437
Porofense ya Bokone Bophirima
Porofense ya Kapa Bophirima
Mogala: 355 1980
Fekese: 333 0620
Mmabatho
Mogala: 389 5026
Fekese: 384 2679
Mogala: 483 4700
Fekese: 483 3890
